First Rand ya re pelaelo ya go gweeba ka madi go se mo molaong e rotloeditse tshweetso ya go tswala diakhounto tsa Oakbay Investments ya barwa-rra Gupta.
Kgotlatshekelo ya Magistrata wa Middelburg kwa Mpumalanga e utlwile bopaki jo bo gakgamatsang ka ga seo se diragetseng ka letsatsi le Victor Rethabile Mlotshwa a ketekiolweng ka lona ke Willem Oosthuisen le Theo Martins Jackson le go mo gapeletsa go tsena mo lekesing la baswi.
Kgotlatshekelo ya magistrata wa Middelburg e utlwile gore Willem Oosthuisen le Theo Martin Jackson ba ketekile Rethabile Mlotshwa gonne a ne a utswitse diCable tsa Kopore.
Tlhokego e masisi ya metsi kwa masepaleng wa selegae wa Mamusa e tlogetse baagi ba Ipelegeng gaufi le Schweizer Reneke mo profenseng ya North West, ba sa itse gore ba dire eng.
Sesole sa bosechaba se kopile Komiti e tshwaraganetsweng ya Parliamente e malebana le Phemelo go se thusa mo go rotloetseng lefapha la bosechaba la matlotlo go se tlamela ka matlole gonne masole a tshela ka tlala mo dithekong tsa sesole.
Seme-segolo sa ANC Jackson Mthembu o tlhalositse fa kopo ya kwa kgotlatshekelo ya Monnasetilo wa Boto ya Sabc Mbulaheni Maguvhe le mmueledi wa gagwe, e le sengwe se se senang mooko.
Mmueledi wa Monnasetilo wa Boto ya Sabc Mbulaheni Maguvhe Lucky Thekisho o gweetlhile dime-digolo tsa Anc le DA go kopana nae kwa kgotlatshekelo.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.