Go tsweletswe ka ditekeletso tse dikgolo tsa moento wa HIV morago ga gore motsaya karolo wa ntlha a entiwe ka moento wa HVTN702 kwa Verulam bokone ba Durban.
Kantoro ya maemo a bosa e bonelapele lekubu le le mogote le le tlileng go padimola naga gompieno. Diprofense tse di amegileng di akaretsa Free State, North West l Northern Cape koo diTemperature ga jaana di leng go 40 degrees.
Moeteledipele wa DA Mmusi Maimane o dirile boikuelo ba gore palamemente e nne yone e e thapang mookamedi wa bothati ba bosekisi ba bosechaba mo isagong.
Barutwana ba Grade Five le Grade Nine mo dikolong tsa puso ba tswelela go salela kwa morago mo serutweng sa Mathematics le Science fa ba tshwantshangwa le barutwana nabo kwa dinageng tsa Boditshaba-tshaba.
Eskom e tshoseditse gape ka go kgaola tlamelo ya motlakase ya bommasepala bangwe ka ntlha ya fa e kolotiwa diranta di le dibilione tsa tlamelo ya motlakase.
Baithaupi ba feta dikete tse tlhano mo Afrika Borwa ba tla simolola go dirwa diteko tse di tla seka sekang gore seritibatsi seo se na le bokgoni jo bokae go thibela HIV.
Tona ya mapodisi Nathi Nhleko ga a batla go tshwaela ka ga kgotlang e e tsweletseng magareng ga gagwe le mookamedi wa bokaedi jo bo ikemetseng ba dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi IPID Robert McBride.
Fees Commission e sekegile ditheetso tsa yone tsa phatlhalatsa morago ga go reetsa ditlhagiso tsa dipaki go tswa kwa University of KwaZulu Natal le the Thusanani Foundation.
Mokwaledi kakaretso wa ANC Gwede Mantashe a re ga gwa voutelwa morero wa gore mopresidente Jacob Zuma a leboge tiro, kwa kopanong ya komiti kuduthamaga ya bosetshaba ya lekoko.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.