Moitseanape wa sepoliti Samadoda Fikeni o tsibositse COSATU gore e ele tlhoko kemo nokeng ya yona go baeteledipele pele ga ba tsaya tsia moono wa mokgatlho.
Bangwe ba baitseanape mo go tsa Ikonomi bare ba tletse tsholofelo ya gore go na le mabaka a a utlwalang a gore Standard and Poor e beye selekanyetso sa ledi la Afrika Borwa kwa Triple B Minus gotswa go selebego se se neng se se ka fa tshiamelong ka labotlhano.
Moitseanape wa molao wa molaotheo Pierre de Vos are mopresidente Jacob Zuma o ka nne a nna le kgetsi kgatlhanong le mosireletsi wa maloba wa setshaba Thuli Madonsela mabapi le kgato ya gagwe ya gore go tliwe ka ditsela tsa go baakanya diphoso mo pegelong ya gagwe ya State of Capture.
Maloko a phuthego ya Mount Zion Christian Assembly kwa Zebediela kwa profenseng ya Limpopo a sireleditse moporofeta wa bona mabapi le gore o ba tshetse ka sebolaya ditshenekegi sa Doom.
Go santse go ise go utlwale sepe go tswa kwa kopanong ya komiti khuduthamaga ya bosetshaba NEC ya ANC gaufi le Pretoria, kwa gone go begwang go tlhagisitswe morero wa go tlhoka go ikanya mopresidente Jacob Zuma.
Maloko a kereke ya Mount Zion Christian Assembly kwa Zebediela kwa Limpopo, ba sireleditse morutui wa bona ka ntlha ya go ba tshela ka sebolaya ditshenekegi sa Doom.
Lekoko la DA La re fa e le gore dipego tsa gore mosireletsi wa setshaba Busisiwe Mkhwebane o tlhatlhetse kgetsi ya bosinyi kgatlhanong le wa pele Thuli Madonsela ke bo ammaruri, go tlabo go le mo pepeneneng gore o leka go nyatsa Madonsela.
ANC e kgadile ka bogale ditheo tse di lekanyetsang selo sa ikonomi mme ya re tshwetso ya tsona ya go kaya fa mathata a dipolotiki e le matshosetsi mo ikonoming ya naga, e ikaeletswe go baka ketsaetsego fela.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.