Moeteledipele wa UDM Bantu Holomisa o akgotse maloko a komiti khuduthamaga ya bosetshaba NEC ya ANC, ba go begwang ba tlhagisitse morero wa gore mopresidente Jacob Zuma a leboge tiro.
Cuba e supile malatsi a le robongwe a kutlo botlhoko morago ga go tlhokafala ga molwela kgololosego yo gape e leng mopresidente wa pele wa naga eo Fidel Castro...
Mopresidenete Jacob Zuma o inyalantse le baeteledipele ba lefatshe ka go gakologelwa mopresidente wa pele wa Cuba yo a tlhokafetseng maabane Fidel Castro.
Mopresidente wa pele wa Cuba Dr Fidel Castro yo a tlhokafetseng a le dingwaga di le some a robongwe, o ne a laola setlhakatlhake se segolo go gaisa sa Caribia sebaka sa dingwaga di le some a mane le borobongwe fa e sale ka 1959.
Mopresidente Jacob Zuma o rometse molaetsa wa matshidiso go setshaba sa kwa Cuba go latela go tlhokafala ga mopresidente wa pele wa naga eo Fidel Castro.
Mmusa kgotla wa kokoano theo molao kwa Limpopo Polly Boshielo a re babusakgotla ba bommasepala ba selegae ba tshwanetse go seka seka dipegelo tsa batlhankela ba bommasepala.
Kgosi ya morafe wa AbaThembu Daludumo Mtirara o fitlhetswe a tlhokafetse kwa legaeng la gagwe kwa Pta.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.