Tona ya thuto ya motheo Angie Motshekga a re o ikaelela go fetola dithaata tsa makgotla taolo a dikolo SGB go letla dikolo dingwe go amogela barutwana ba le bantsi ba bantsho.
Mopresidente Jacob Zuma o kgadile ka bogale mosireletsi wa pele wa setshaba Thuli Madonsela ka ntlha ya go tshisinya gore moatlhodi mogolo Mogoeng Mogoeng a tlhame komishene e e tlileng go batlisisa morero wa go tlhotlhelediwa ga ditshwetso tsa puso.
Mopresidente Jacob Zuma a re maiteko a puso a go diragatsa diphetogo mo lephateng la badiri, ke kgato e e siameng maleba le go efoga go isiwa tlase ga seemo sa ikonomi ya naga...
Mopresidenet Jacob Zuma o supile kemo nokeng ya gagwe go balelapa la ga Gupta, mme a re tshwetso ya dibanka tse di kgolo di le nne ya go tswala diakhaonto tsa bone, ya belaetsa mme e tlhoka go batlisisiwa.
Dintlha di tsweletse go tlhagelela ka ga gore goreng Komishinara wa nama o tshwere wa bosechaba wa mapodisi General Khomotso Phahlane a latofaditswe ka go nyasta tsamaiso ya molao.
Kgotlatshekelo kgolo ya Western Cape e simolotse go reetsa kgetsi e tlhatlhetsweng ke Democratic Alliance ya gore go thapiwa ga Hlaudi Motsoeneng gonna Group Executive for Corporate Affairs ya Sabc, go goelediwe fa go se maleba.
Moitsanape wa molaotheo Pierre de Vos a re lenaane la go thapa mokaedi wa bosechaba wa bosekisi ba bosechabag ga la tshwanela go nna bofitlha mme sechaba se tshwanetse go nna le seabe.
Lefapha la bosechaba la matlotlo la re le lebelela dipegelo tsa gore baditirelo tsa letseno mo Afrika Borwa SARS ba tlhamile lephata le le kgethegileng la dipatlusiso le le tshwanang le le ntseng le aparetswe ke dipuo puo la botlhodi. Lefapha la matlotlo la re le utlwile ka ga lephata leno mo bobegadikgan
Mokhuduthamaga wa pholo kwa Limpopo Phophi Ramathuba a re lefapha le tlile go ikgolaganya le dikgotlatshekelo tebang le go rebolelwa taelo ya gore Prophet Lethabo Rabalago a tlhatlhobiwe tlhaloganyo.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.