Seelo sa botlhoka-tiro mono Afrika Borwa se tsweletse go oketsega gonna dipersente tse 27 point 1 mo kotareng ya boraro, go tswa go dipersente tse 26 point 6 mo kotareng ya bobedi.
The Commission for Rights of Cultural, Religious and Linguistic Communities ya re mekgwa ya go fodisa ya bao ba ikayang e le baPorofeta, e kotsi thata mme e ka bolaya.
Setlamo se se dirang dilwana sa Tiger Brands sare se ntse se leka go ikgolaganya le moporofeta wa kwa Limpopo Lethebo Ramalabo go mo laela kgotsa go mo kgalema gore a tlogele go dirisa sebolaya ditshenekegi sa Doom kwa phuthegong ya gagwe ya Mount Zion General Assembly.
Moporofeta yo o tswang kwa Limpopo Lethebo Rabalago are ga go sepe se se gakgamatsang mabapi le go dirisa sebolaya ditshenekegi kgotsa Doom go alafa batho.
Agri Western Cape ya re e tla nna le seabe mo maananeng a a tla latelang kitsiso ya tekanyetso ya dituelo a diranta di le dikete di le tharo kgolo a matlhano ka kgwedi.
Dipatlisiso di supa fa batswasetlhabelo ba le bararo go tswa go ba le bane ba tiragalo ya go lakailwa ga sekepe ke molelo kwa Hatrbeespoort Dam mono North West ba ka tswa ba tlhokafetse ka nako ya letsholo phaloso.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.